Chrism Mass 2026 - Yesu, O boamaaruri (Sefela 97)

📍 Event: Chrism Mass 2026 - Gaborone Diocese 📆 28.03.2026 📌 Venue: ‪@ChristtheKingCathedralGaborone‬ Sefela 97 (s, :s/ d: d /r) Yesu, O boamaaruri,/ O tsela le Botshelo. O nne mogogi wa rona/ Loetong lwa poloko./ O re eteletse pele/ Go ya kwa legodimong. Re ratile go latela,/ Re tle re bolokege.  Yesu O boamaaruri,/ O tsela le Botshelo./ Wena O re supeditse/ Kaelo e e isa-ng./ Kwa kagisong, kwa go Rara/ Yo o kwa legodimong./ O boletse: “Ke nna tsela,/ Tlang ba lo e eletsang.”  Yesu O boamaaruri,/ O tsela le Botshelo./ Wena O re supeditse/ Kaelo e e isa-ng./ Kwa kagisong, kwa go Rara/ Yo o kwa legodimong./ O boletse: “Ke nna tsela,/ Tlang ba lo e eletsang.”  Yesu, O boamaaruri,/ O tsela le Botshelo./ Mo lefifing ja lefatshe/ Lesedi ke tumelo; Ke tshenolo le dithuto/ Tsotlhe tse re di rutwang. Ruri, O boamaaruri/ Jo re ka bo ikanyang Yesu O boamaaruri,/ O tsela le Botshelo. O babaletse baeti/ ka molemo, tsalano/ Ka mohago wa loeto/ O rata go ba jesa./ O rile, “Ke nna botshelo/ Mo go bone ba ba njang.”  Yesu O boamaaruri,/ O tsela le Botshelo./ O gomotsa O tshedisa/ Ba ba leng khutsafalong/ Fa ba lapa, fa ba boga/ ba raelwa ke mmaba./ O tlo O ba thatafatse/ Go fitlha kwa bofelong.  Yesu, O boamaaruri,/ O tsela le Botshelo./ O tlo O tlhagise mewa/ E e yang kwa tatlhegong./ O e itse, O e bitse,/ O e busetse tseleng./ Oh Morena, O boloke/ Rona le mewa yotlhe.